Diphetogo Tsa Tlhamalalo* Kgotsa Goreng Batho Ba Tsamaya Ba Tlhamaletse
Setswana
Keabetswe Motlhodi
(Ya ga Mũmbi W Ngũgĩ, Xmas 2015 @ Irvine, California, e ranolotswe go tswa go the Gikuyu ka mokwadi)
Bogologolo tala batho ba kile ba bo ba tsamaya ka maoto le matsogo, fela jaaka diphologolo tsa maoto a mane tse dingwe. Batho ba ne ba le lebelo go gaisa mmutla, nkwe kgotsa tshukudu. Matsogo le maoto di ne di bapile go feta dirwe tse dingwe: di ne di na le ditokololo tse di nyalanang tse di tshwanang magetla le dinoka; dikgono le mangole;le mangwejana le magwejana, dinao le diatla, nngwe le nngwe e felela ka menwana e metlhano ya matsogo le ya maoto, ka dinala mo monwaneng mongwe le mongwe. Diatla le dinao di ne di na le thulaganyo e e tshwanang ya menwana e metlhano ya maoto le ya matsogo go simolola ka menwana ya kgenetswe go fitlha ka e mennye. Mo matsatsing ao monwana wa kgenetswe wa letsogo o ne o bapile le menanwa e mengwe, go tshwana fela le ya maoto. Maoto le matsogo a ne a bitsana bontsala.
A ne a thusana go isa mmele gotlhe mo o neng o batla go ya teng; ko marekelong, mabenkeleng, go tlhatlhoga le go fologa ditlhare le dithaba, gongwe le gongwe ko go neng go batlega motsamao. Tota le mo metsing, a ne a dirisana mmogo sentle go thusa mmele go kokobala, go thuma kgotsa go ithabuetsa. Kamano ya ona e ne e le ya tekatekano. A ne a kgona le go adima bokgoni jwa dirwe tse dingwe, jaaka modumo go tswa kwa molomomg, kutlo go tswa kwa ditsebeng, go nkga go tswa kwa nkong, mme tota le pono go tswa kwa matlhong.
Morithito wa tsona le thulaganyo e e tlhololo di ne tsa jala lefufa mo dirweng tse dingwe. Di ne di le kgatlhanong le go adima botswerere ba tsona go bontsalaa bona. Lefufa le ne la di sirela ntlha ya gore maoto le matsogo a di isa gotlhe. Di ne tsa simolola go epa lemena kgatlhanong le bobedi bono.
Leleme le ile la adima leano go tswa go Boboko mme la le tsenya tirisong ka gangwe. Le ne la simolola go ipotsa, le goeleditse, ka ga maatla a matsogo le maoto. Ke mang yo a neng a le maatla go gaisa, la ipotsa. Bontsala ba babedi ba ditokololo, bao ba neng ba ise eke ba itshwenye ka se o mongwe a nang naso kgotsa a kgonang go se dira, jaanong ba adimile modumo go tswa go molomo mme ba simolola go bua fa ba le botlhokwa go mmele go feta ba bangwe. Seno se ile sa fetoga ka pele go nna gore ke mang yo o montle go gaisa; matsogo a theta ka gore a na le menwana e metelele e mesasane, mme ka yone nako eo a kgoba menwana ya maoto ka gore e mekhutshwane gape e le mekima. Ka e sa batle go gaisiwa, menwana ya maoto ya ikarabela ka go kgoba menwana ya matsogo e mesesane, bontsala ba ba bolawang ke tlala! Seno se tsere matsatsi, ka dinako dingwe se ama bokgoni ba ona go dira mmogo sentle. E feleleditse e le kgang ya thata, mme ba ya go dirwe tse dingwe go bona tsereganyo.
E ne e le Leleme yo o tlhagistseng kgaisano. Botlhe ba dumalana fa e le leano le lentle. Fela ya eng? Bangwe ba tlhagisa kgaisano ya go kampana- kampano ya leoto le letsogo. Bangwe ba re motshameko wa tšhaka, diketo, metabogo kgotsa go tshameka metshameko e e tshwanang le chess le morabaraba mme nngwe le nngwe ya ganelwa ka gobo e le thata go tshamekiwa kgotsa e tla gobelela serwe se sengwe. E ne e le Leleme gape, morago ga go adima kakanyo go tswa go Boboko, yo o tlileng ka tharabololo e e bonolo. Bobedi bongwe le bongwe jwa dirwe bo tla bona tšhono ya go tlhagisa kgwetlo. Matsogo le maoto a dumela.
Kgaisano ya tshwarelwa mo sekgwa se apogang teng, gaufi le noka. Dirwe tsotlhe di ne di le malalaalatswe go ela tlhoko kotsi kgotsa sengwe se tshoganyetsang mmele, ka jaanong dirwe tse dingwe di ne di tshwere maragana teng a bana ba mpa. Matlho a ne a latlhela bofofu kgakala le bophara go bona kotsinyana e e ka tswang gongwe le gongwe; ditsebe tsa itshiamisetsa go utlwa le fa e le mokgwasa o tswang bokgakala bofe, nko ya itshiamsetsa go dupelela monkgo wa kotsi e e falotseng matlho a a kelotlhoko le ditsebe tse di bogale; mme leleme le ne le ipaakanyditse go goeletsa, kotsi.
Phefo ya gasama dikgang tsa kgaisano go dintlha tse nne tsa sekgwa, metsi le loapi. Diphologolo tse di maoto mane di ne di le magareng ga tse di gorogileng pele, bontsi jwa tse digolo di tshwere makala a matala go supa fa di tlile ka kagiso. E ne e le boididi jo bontle jwa Nkwe, Lengau, Tau, Tshukudu, Phiri, Tlou, Thutlwa, Kamela, Kgomo le Kubu, Phala, Tshepe, Mmutla, Lerunya le Tadi. Ditshedi tsa Metsi, Kubu, Tlhapi, Kwena, tsa ala dikarolo tsa tsona tse di kwa godimo mo losing la noka, mme dikarolo tse dingwe di le ka fa gare ga noka. Bomaoto mabedi, Ntšhwe, Kgaka, le Phikoko ba opa diphuka tsa bona ka boitumelo, dinonyane tsa tswirinya mo ditlhareng; Tsiritsiri ya opela nako e yotlhe. Segokgo, Seboko, Mositlhaphala, Sebokolodi tsa gagaba mo fatshe kgotsa mo ditlhareng. Lebodu la tsamaya ka nyanyaelo, ka kelotlhoko, le iketlile fa Mokgantitswane o ne o tabogakaka, o sa nnisege. Kgabo, Tšhimpanse, Korela , di tlolatlola mo dikaleng. Tota le ditlhare le ditlhatsana, di ne di faapanela go ebela go tswa kwa letlhakoreng le lengwe go ya go le lengwe, go oba ditlhogo le go ema tsi.
Molomo wa bula kgaisano ka pina:
Re dira seno go itumela
Re dira seno go itumela
Re dira seno go itumela
Gonne rotlhe
Re tswa tlhagong e le yosi.
Letsogo le Maoto tsa ikana go amogela botšo ka bopelontle; go sena manganga, matshosetsi a go ngala kgaisano, ditshupetso kgotsa go goga dinao.
Matsogo a rebola kgwetlo ya ntlha: Ba latlhela legonyana mo fatshe. Leoto, la molema kgotsa moja, kgotsa oo mabedi, a ne a tshwanetse go sela legonyana go tswa fa fatsshe mme a le konope. Maoto a mabedi a ne a ka buisana ka nako nngwe le nngwe mo kgaisanong mme a romele menwana, ka bongwe kgotsa otlhe, ka thulaganyo efe kgotsa efe go fitlhelela tiro ya ona. A lekile go le fetola, go le kgarametsa, a leka dilo tse di farologaneng mme a palelwa ke go le sela sentle: mme ha e le go le sutisa teng, se a kgonneng go se dira bogolo e ne e le go le ragela kwa ka sekgalanyana. Ya re go bona se, Menwana ya Matsogo ya adima modumo go tswa go molomo mme ya swa ka ditshego. Matsogo, mogwetli, a ne a ikgantsha ekare a mo kgaisanong ya bommabontle, a bontsha ditebego tsa ona tse di sesane, mme ka ditsela tse di farologaneng a sela legonyana. A e konopela kgakala mo sekgweng, mme ka seo a gapa maikutloa baigaisani le babogedi gore ba bo ba sise dipelo. A ne a supa bokgoni jo bongwe: a sela santanyana mo sekotlolong sa reisi; a fololela dinnale; a dira maotwanakgogisi a go sutisa magong a a bokete; a dira marumo mme a a konopela kgakajana, ditiro tse go menwana ya maoto e leng dijo tsa ditoro. Maoto a ne a dutse fela a bogetse pontsho ya botswerere le go obega ga bontsala’abona ba ba sesane. Diatla tsa babogedi tsa opela kwa godimodimo ka kgatlhego le go nna seoposengwe le matsogommogo le ona, mme se sa utlwisa maoto botlhoko ba ntho. Mme a ne a sa tle go ineela: le fa a ne a dutse a tlhomola pelo, menwana ya kgenetswee e taka didikwenyana mo santeng, e leka go nagana kgwetlo e fenyang.
Kgabagare ya nna tšhono ya mato le menwana ya one go ntsha kgwetlo. Ya bone, ga a e tlhalosa, e ne e le bonolo. Matsogo a tshwanetse go tshola mmele otlhe go tloga karolong e nngwe ya sedikwe go ya go e nngwe. A kgwetlho ya bomatla, menwana e e iponang ya akanya. Go ne go tla leba yo o sebete. Sengwe le sengwe sa mmele se ne se tshwelekanyantswe. Matsogo a kgoma fa fatshe; matlho a le gaufi le lefatshe, pono ya ona e thibetswe ke bogaufi jwa ona le lefatshe, lerole la tsena ka nko le e ethimodisa, maoto le menwana ya ona a fofa mo moweng: dinao kwa godimo, babogedi ba goeletsa ba ikopelela.
Dinao kwa godimo
Ga go na mathata
Latela dinao
Ga go na mathata
A re fofeng mo loaping
Fela ba ne ba tlhomile diatla le matsogo leitlho. Dirwe tse mo metsotswaneng e fetileng di ne di supa manontlhotlho a bokgoni, di ne di sa kgone go suta sekgalanyana. Dikgatonyana, diatla tsa goeletsa ka kutlobotlhoko, matsogo a thethekela mme a diga mmele. A ikhutsa mme a leka gape. Mo nakong e a leka go phatlhalatsa menwana go kgona go tshwara lefatshe mme menwana ya kgwenetshe ke fa e le ona fela e kgonang go otlologa. A leka semenogane mme seo sa ganelwa gonne gore se kgonege go ne go tsenyeletsa tiriso ya maoto. E ne e le tšhono ya menwana ya maoto go tshega. Ya adima medumo e boteng ya kgokgotso go tswa go molomo go farologanya setshego sa yona go tswa go se se sesane se se dirisitsweng ke menwana ya matsogo. Ya re go utlwa lonyatso, matsogo a ne a tenega mme a dira maiteko a bofelo go tshola mmele. Maiteko ano a folola. Ka letsapa le legolo matsogo le menwana ya itlhoboga. Maoto a ne a itumelela go bontsha manontlhotlho a ona mo diateletiking: A tshwaya nako, a sasanka, a taboga, a tlolakaka ntle le go diga mmele le ha e le gangwe. Maoto a babogedi botlhe a ne a tampatampa mo fatshe go supa kgatlego le gore ba seoposengwe. Matsogo a emisa diatla go supa kemokgatlhanong ya boitshwaro jo eseng jwa botshameki, a lebetse fa e le ona a simolotseng tshameko eno.
Mme botlhe, go akaretsa babogedi, ba lemoga sengwe se se sa tlwaelegang ka matsogo: menwana ya kgwenetshe e e neng e taologile fa matsogo a ne a leka go tshola mmele, e ne e ntse e itlhaotse mo menwaneng e mengwe. Dirwe tsa boganetsi di ne di santse di re di tswelela go tshega fa di lemoga sengwe gape, monwana wa kgwenetshe o tlhaotsweng o ne o sa tlhokise diatla bokgoni, o ne o tokafaditse thata ya tsona ya go tshwara le go tlamparela. Ke eng se? Bogwele bo fetogile go nna thata ya bokgoni!
Kganetsano magareng ga dirwe go swetsa gore mofenyi ke mang e tsweletse ka matsatsi a le matlhano, palo ya menwana mo letsogong le leotong lengwe le lengwe. Matsapa a bona ya bo e le a bophokojwe, ba palelwa ke go bolela mofenyi gonne dirwe tsotlhe e ne e le ditswerere mo go se di se dirang, go se dipe tse di ka iphetsang. Go ne ga simolola diphopholetso tsa filosofi: mmele e ne ele eng tota, tsa botsa tsotlhe, mme tsa lemoga fa mmele e le tsone tsotlhe; di ne di le seoposengwe. Serwe sengwe le sengwe se ne se tshwanetse go dira sentle gore tsotlhe di dire sentle.
Fela go thibela dikgaisano tsa mofuta ono mo isagweng le go thibela go tshwenyana, dirwe tsotlhe di ne tsa swetsa gore go tloga jaanong mmele o tla tsamaya o tlhamaletse, maoto a tsepame mo fatshe le matsogo a le mo moweng. Mmele o ne o itumeletse tshwetso mme o ne o tla letla bana go tsamaya ka matsogo le maoto gore di se lebale kwa di tswang teng. Tsa arola ditiro: maoto a ne a tla tsamaisa mmele mme fela fa a goroga kwa go iwang teng, matsogo a ne a tla dira tiro yotlhe e tlhokegang go dira kgotsa go tshwara didiriswa. Ya re fa maoto le dinao di dira tiro e boima ya go tshola, matsogo a ne a otlologa mme a dirisa bokgoni jwa ona go dira mo tikologong le go netefatsa gore dijo di fitlha kwa molomong. Molomo, kgotsa, meno a ona tota, a tla di tlhafuna a be a di romela ka mometso go ya ko maleng. Mala a ne a tla tamola molemo otlhe mme a o tshele mo dikanaleng tse di tla tsamaisang molemo go ya ko mmeleng ka bophara. Mala a tla isa masalela ko moseleng wa leswe, go tsweng moo mmele o tla a beya mo nageng kgotsa go a epela mo mmung go o nontsha. Dimela di tla gola di beele maungo, matsogo a tla kga maungo mangwe mme a a tsenye mo molomong. Ehee sedikwe sa botshelo.
Le metshameko le boitlosobodutu di ne tsa arogangwa ka matshwanedi: kopelo, go tshega le puo di ne di neilwe molomo, go taboga le kgwele ya dinao ya newa segolo maoto, beisibolo le baseketebolo di ne di tlogeletswe matsogo le fa maoto a tla bo a taboga. Mo diateletiking, maoto a ne a rena. Karolo ya ditiro e tlhamaletseng e ne ya dira mmele wa motho mokaloba wa motšhini o tshelang, o gaisa le diphologolo tse dikgolo ka se o ka se fitlhelelang ka palo le boleng.
Le fa go le jalo dirwe tsa mmele tsa lemoga gore thulaganyo ya leruri e di e fitlheletseng e ntse e ka nna ya tlisa kgotlhang. Tlhogo e e neng e le kwa mankalankaleng e ne a ka nna ya ipona fa e le botoka go na le dinao tse di neng di kgoma fa fatshe kgotsa fa e le morena mme dirwe tse di kwa tlase ga yona e le batlhanka fela. Tsa gatelela gore fa go tliwa mo taolong, tlhogo le tsotlhe tse di ka fa tlase ga yona, di a lekana. Go mametlelela seno, dirwe tsa netefatsa gore kutlobotlhoko le boitumelo jwa se le sengwe bo utluwe ke tsotlhe. Tsa lemosa molomo gore fa o re sennanne sa me, o ne o bua jaaka mmele otlhe e seng jaaka mong a le nosi.
Tsa opela:
Mo mmeleng wa rona
Ga go motlhanka
Mo mmeleng wa rona
Ga go motlhanka
Re a direlana
Rona ka borona
Re a direlana
Rona ka borona
Re a direlana
Leleme lentswe la rona
Ntshware ke go tshware
Re aga mmele o itekanetseng
Ntshware ke go tshware
Re aga mmele o itekanetseng
Kopano e ntle
Mmogo re direla
Mmele o itekanetseng
Mmogo re direla
Mmele o itekanetseng
Kopano ke matla a rona
Seno sa fetoga Pina ya Mmele Otlhe. Mmele o e opela go fitlhelela le gompieno, mme se ke se se farologanyang batho le diphologolo, kgotsa bao ba ganneng phetogo e e tlhamaletseng.
Diphologolo tse dinao dinne di ne tsa gana phetogo eno le mororo di bone tse di di boneng. Kgang ya go opela e ne e tshegisa. Molomo o ne o diretswe go ja e seng go opela. Di ne tsa tlhama lekoko le le tshwereng setso sa ko ga Lowe la tlhago, mme tsa se fetole mekgwa le ditsela tsa tsona.
Fa batho ba ithuta go tswa go mafaratlhatlha a dirwe ba dira sentle, mme fa ba bona mmele le tlhogo e le makoko a lwantshanang, le lengwe le okametse le lengwe, ba atamela bontsalaabona ba diphologolo ba ba ganneng phetogo ya tlhamalalo..
Keabetswe Esther Motlhodi is a part-time lecturer in the School of Languages of the North West University, Vaal Triangle Campus, in South Africa, where she teaches Introduction to Language Practice. She holds a BA Honours in Language Practice from the North West University. Her Honours mini-dissertation investigated the optimal presentation of Setswana subtitles for better access to education. In June 2015 she co-presented a paper with her supervisor titled ‘Investigating the optimal presentation of Setswana subtitles for better access to education’ at the LSSA conference in Potchefstroom. She is currently registered for Masters in Language Practice, continuing to investigate the use of African Language subtitles in education. She is passionate about creating access to communication for people experiencing language barriers, a great reality in multilingual South Africa. Her research interests include African language subtitles, the reception of translation and process research. Although not her main focus currently, she has worked on translation projects as a freelance translator translating different types of texts such as children’s stories, information pamphlets, medical research forms and posters for various campaigns. She has also started writing children’s stories in Setswana, in order to expand on the Setswana literary polysystem.
You must be logged in to post a comment.